Ke kgang ya Ngede, Mogaka, le monna wa lekau yo o timanang a bidiwa Gingile. Letsatsi lengwe Gingile fa ile go tsoma a utlwa lentswe la ga Ngede. Legano la ga Gingile la tlala mathe a gopotse lomepe. O ne a ema a le reetsa sentle, a batlisisa go tsamaya a bona nonyane mo kaleng e fa godimo ga tlhogo ya gagwe. “Chitik, Chitik, Chitik,” nonyane e nnye ya dira modumo jaaka e fofela mo kaleng e nngwe.” Chitik, Chitik, Chitik e bitsa, e tla e emisa mo gare go netefatsa gore Gingile o e sala morago.
This is the story of Ngede, the Honeyguide, and a greedy young man named Gingile.
One day while Gingile was out hunting he heard the call of Ngede. Gingile’s mouth began to water at the thought of honey. He stopped and listened carefully, searching until he saw the bird in the branches above his head.
“Chitik-chitik-chitik,” the little bird rattled, as he flew to the next tree, and the next.
“Chitik, chitik, chitik,” he called, stopping from time to time to be sure that Gingile followed.
Morago ga ura le halofo, ba fitlhela setlhare feie se se tona. Ngede e ne e tlola tlola jaaka setsenwa mo gare ga dikala. A ye go nna mo kaleng e le nngwe fela a tlhomile tlhogo ya gagwe ko Gingile jaaka e kete e ka re, “Ke fa! Tla jaanong! O tseelang lobaka lo lo leele jana?” Gingile o ne a sa bone dinotshe dipe ka fa tlase ga setlhare, mme o ne a ikanya Ngede.
After half an hour, they reached a huge wild fig tree.
Ngede hopped about madly among the branches. He then settled on one branch and cocked his head at Gingile as if to say, “Here it is! Come now! What is taking you so long?”
Gingile couldn’t see any bees from under the tree, but he trusted Ngede.
Gingile a baya lerumo ka fa tlase ga setlhare, a kokoanya matlhare a gotsa molelo o monnye. E rile molelo o tuka sentle, a tsenya logong lo lo omileng mo gare ga molelo. Logong lo lo ne lo itsege ka go dira mosi o montsi fa lo tuka. A simolola go palama, a tshegeditse logong ka fa ntlheng e e tsididi ka meno a gagwe.
So Gingile put down his hunting spear under the tree, gathered some dry twigs and made a small fire.
When the fire was burning well, he put a long dry stick into the heart of the fire. This wood was especially known to make lots of smoke while it burned.
He began climbing, holding the cool end of the smoking stick in his teeth.
Ka bonako a utlwa modumo wa motshitshi wa dinotshe. Di ne di tsena le di tswa mo lekwating la setlhare – mamepe a tsone. Fa Gingile a fitlhelela motshitshi a tsenya logong lo lo kubang mosi mo lekwating la setlhare. Dinotshe di ne tsa tswa, ka bogale le ka maikaelelo. Di ne tsa fofa tsa tsamaya ka di sa rate mosi – mme pele di tsamaya tsa loma loma Gingile go utlwala.
Soon he could hear the loud buzzing of the busy bees. They were coming in and out of a hollow in the tree trunk – their hive.
When Gingile reached the hive he pushed the smoking end of the stick into the hollow.
The bees came rushing out, angry and mean. They flew away because they didn’t like the smoke – but not before they had given Gingile some painful stings!
Fa di se na go tswa, Gingile a tsenya mabogo a gagwe mo teng ga setlhaga. A tsaya lomepe seatla se tletse, se ntse se rotha lomepe le mafura, le diboko tse ditshweu. A tsenya lomepe mo kgamelong e o ne a e sikere ka legetla, a simolola go phola setlhare.
When the bees were out, Gingile pushed his hands into the nest. He took out handfuls of the heavy comb, dripping with rich honey and full of fat, white grubs.
He put the comb carefully in the pouch he carried on his shoulder, and started to climb down the tree.
Ngede o ne a lebeletse sengwe le sengwe ka tlhwaafalo se Gingile a se dirang. O ne a mo letile gore a o tla tlogela sengwenyana sa motshitshi go ka leboga nonyane e e mo kaeditseng lomepe. Ngede ya fofa fofa mo dikaleng, go atamelana le lefatshe. Bofelong Gingile a fitlha kwa tlase ga setlhare. Ngede a wela mo godimo ga letlapa go bapa le mosimanyana mme a letile tuelo ya gagwe.
Ngede eagerly watched everything that Gingile was doing. He was waiting for him to leave a fat piece of honeycomb as a thank-you offering to the Honeyguide.
Ngede flittered from branch to branch, closer and closer to the ground. Finally Gingile reached the bottom of the tree.
Ngede perched on a rock near the boy and waited for his reward.
Mme, Gingile a tima molelo, a tsaya lerumo la gagwe a boela gae, a tlhokomologa nonyane. Ngede a bitsa ka letenego, “VIC-torr! VIC-torr!” Gingile a ema, a gotolela nonyane e nnye matlho mme a tshegela kwa godimo. “A o batla lomepe, a o a batla tsala ya me? Ha! Mme ke dirile tiro yotlhe, ka lomiwa ga botlhoko. Ke ka ntlha ya eng ke tshwanetse go kgaogana lomepe lo le wena?” Mme a tsamaya. Ngede o ne a kgotswa! E ne e se mokgwa o a ka tsewang ka one! Mme o ka bona ipusolosetso.
But, Gingile put out the fire, picked up his spear and started walking home, ignoring the bird.
Ngede called out angrily, “VIC-torr! VIC-torrr!”
Gingile stopped, stared at the little bird and laughed aloud. “You want some honey, do you, my friend? Ha! But I did all the work, and got all the stings. Why should I share any of this lovely honey with you?” Then he walked off.
Ngede was furious! This was no way to treat him! But he would get his revenge.
Letsatsi lengwe morago ga dibeke tse mmalwa Gingile gape a utlwa Ngede a mo biletsa lomepe. A gakologelwa lomepe lo lo monate, ka bogale a latela nonyane gape. Morago ga go gogela Gingile mo sekgweng, Ngede a ema go ikhutsa ka fa tlase ga setlhare se tona. “Ahh,” ga akanya Gingile.” Motshitshi o tshwanetse o bo o le mo setlhareng se. “Ka bonako a gotsa molelo o monnye wa gagwe a simolola go palama setlhare, logong lo lo kubang mosi a le tshegeditse ka meno a gagwe. Ngede o ne a dutse a lebeletse.
One day several weeks later Gingile again heard the honey call of Ngede. He remembered the delicious honey, and eagerly followed the bird once again.
After leading Gingile along the edge of the forest, Ngede stopped to rest in a great umbrella thorn. “Ahh,” thought Gingile. “The hive must be in this tree.” He quickly made his small fire and began to climb, the smoking branch in his teeth. Ngede sat and watched.
Gingile o ne a pagama, mme a hakgamala gore ke eng a sa utlwe modumo wa dinotshe jaaka gale. Ka gongwe motshitshi o ko teng thata mo setlhareng, a ikakanyetsa. A pagamela kwa kaleng e nngwe. Mme mo boemong jwa motshitshi, o ne a gotolela matlho mo sefatlhogong sa lengau! Lengau le ne le kgotswile ka le tshwentswe mo borokong la jone. A dira matlho a yone mannye, ya bula legano go bontsha meno a yone a matona le a bogale thata.
Gingile climbed, wondering why he didn’t hear the usual buzzing. “Perhaps the hive is deep in the tree,” he thought to himself. He pulled himself up another branch. But instead of the hive, he was staring into the face of a leopard!
Leopard was very angry at having her sleep so rudely interrupted. She narrowed her eyes, opened her mouth to reveal her very large and very sharp teeth.
Pele lengau le ka moloma, a pagologa ka bonako. Mo go itlhaganeneng ga gagwe a se ka a gata kala nngwe, a wela boshula fa fatshe a utlwa botlhoko mo legwejaneng. A tsamaya ka bonako a ntse a kotsemela. Lesego la gagwe lengau le ne le sa ntse le tshwere ke boroko go ka mo lelekisa. Ngede, nonyane ya lomepe e ne ya ipusolosetsa. Mme Gingile a ithuta sengwe.
Before Leopard could take a swipe at Gingile, he rushed down the tree.
In his hurry he missed a branch, and landed with a heavy thud on the ground twisting his ankle. He hobbled off as fast as he could. Luckily for him, Leopard was still too sleepy to chase him. Ngede, the Honeyguide, had his revenge.
And Gingile learned his lesson.
Mme, e rile bana ba ga Gingile ba utlwa kgang e ya ga Ngede ba tlotla le yone nonyane e nnye. Gongwe le gongwe ko ba batlang lomepe gone, ba leka go tlogelela nonyane ya lomepe, lomepe lo lontsi!
And so, when the children of Gingile hear the story of Ngede they have respect for the little bird. Whenever they harvest honey, they make sure to leave the biggest part of the comb for Honeyguide!