Download PDF
Back to stories list

A chicken and a millipede walking along a road.

Koko le Sebokolodi Chicken and Millipede

Written by Winny Asara

Illustrated by Magriet Brink

Translated by Lorato Trok

Language Setswana

Level Level 3

Narrate full story The audio for this story is currently not available.


A chicken and a millipede walking along a road.

Koko le Sebokolodi e ne e le ditsala tse di ntshanang seinong. Mme fela ba ne ka metlha ba rata go tlhodisana. Ka letsatsi lengwe ba ile ba swetsa ka go tshameka kgwele ya maoto. Ba ne ba batla go bona gore ke mang setshameki se se tlhwatlhwa.

Chicken and Millipede were friends. But they were always competing with each other. One day they decided to play football to see who the best player was.


A chicken and a millipede playing football.

Ba ile ba ya kwa lebaleng la kgwele ya maoto mme ba tshimolola go tshameka. Koko o ne a le lobelo, mme Sebokolodi ene o ne a le lobelo go gaisa. Koko o ile a ragela kgakala, fa Sebokolodi ena a ile a ragela kgakala le go feta. Koko o ile a tshimolola go sa itumele.

They went to the football field and started their game. Chicken was fast, but Millipede was faster. Chicken kicked far, but Millipede kicked further. Chicken started to feel grumpy.


A chicken standing in front of a football net.

Ba ile ba swetsa go raga dipenele. Sebokolodi o ne a nna motshwaradino wa ntlha. Koko o kgonne fela go nosa nno e le nngwe. Jaanong e ne ya nna nako ya gore Koko a sireletse dino.

They decided to play a penalty shoot-out. First Millipede was goal keeper. Chicken scored only one goal. Then it was the chicken’s turn to defend the goal.


Millipede scoring a goal.

Sebokolodi o ile a raga kgwele mme a nosa. Sebokolodi o ile a raga ka leoto le le popota mme a nosa nno. Sebokolodi o ile a betsa bolo ka tlhogo mme a nosa nno. Sebokolodi o ile a nosa dino tse tlhano.

Millipede kicked the ball and scored. Millipede dribbled the ball and scored. Millipede headed the ball and scored. Millipede scored five goals.


An angry-looking chicken.

Phenyo ya ga Sebokolodi e ile ya kgopisa Koko thata. O ne a sa rate go latlhegelwa . Sebokolodi o ile a tshega ka Koko fa a ne a ngongoregela go sa fenye.

Chicken was furious that she lost. She was a very bad loser. Millipede started laughing because his friend was making such a fuss.


A chicken opening its beak wide to eat the millipede.

Setshego sa ga Sebokolodi se ile sa kgopisa Koko thata. Koko o ne a bula molomo wa gagwe mme a metsa Sebokolodi.

Chicken was so angry that she opened her beak wide and swallowed the millipede.


A chicken walking with a ball under its arm talking to a millipede.

Mo tseleng fa a boela gae, Koko o ile a kopana le Mme Sebokolodi. ‘A o kile wa bona Sebokolodi Koko?’ ga botsa Mme Sebokolodi. mKoko ga a ka a araba. Mme Sebokolodi o ne a tshwenyegile.

As Chicken was walking home, she met Mother Millipede. Mother Millipede asked, “Have you seen my child?” Chicken didn’t say anything. Mother Millipede was worried.


A voice coming from inside a chicken standing next to a millipede.

Mme Sebokolodi o ne a utlwa molodinyana wa lentswe. Lentswenyana le le ne le lela le re “mme ke kopa thuso!” Mme Sebokolodi o ne a reetsa ka tlhoafalo, a lebelela gotlhe. Lentswe le, le ne le tswa mo maleng a ga Koko.

Then Mother Millipede heard a tiny voice. “Help me mom!” cried the voice. Mother Millipede looked around and listened carefully. The voice came from inside the chicken.


An ill-looking chicken.

“Dirisa maatla a gago a a kgethegileng ngwanake!” Dibokolodi di itsege ka go dira monkgo o o botlhoko le tatso e e bosula. Koko o ile a tshimolola go lwala.

Mother Millipede shouted, “Use your special power my child!” Millipedes can make a bad smell and a terrible taste. Chicken began to feel ill.


A chicken coughing.

Koko o ile a botla, a metsa mme a tlhatsa. Gape a ethimola le go gotlhola. A tswelela go gotlhola. Sebokolodi o ne a ferosa dibete.

Chicken burped. Then she swallowed and spat. Then she sneezed and coughed. And coughed. The millipede was disgusting!


A millipede in a puddle of spit.

Koko o ile a gotlhola go fitlhela a tlhatsa sebokolodi. Mme Sebokolodi le morwa wa gagwe ba ile ba tshabela mo godimo ga setlhare.

Chicken coughed until she coughed out the millipede that was in her stomach. Mother Millipede and her child crawled up a tree to hide.


Two millipedes hiding up a tree and a chicken nearby.

Go tloga ka nako eo, dikoko le dibokolodi ba se tlhole ba utlwana.

From that time, chickens and millipedes were enemies.


Written by: Winny Asara
Illustrated by: Magriet Brink
Translated by: Lorato Trok
Language: Setswana
Level: Level 3
Source: Chicken and Millipede from African Storybook
Creative Commons License
This work is licensed under a Creative Commons Attribution 3.0 International License.
Options
Back to stories list Download PDF